http://mbimb.org/wp-content/uploads/2022/09/cropped-Hearts.png
My Body Is My Body Foundation

Setswana – Mmele Wame Ke Wame

Mele Wame Ke Wame,  Lenaneo La Thibelo Kgokgontsho Yabana

Mmele wame ke wame ke Lenaneo le le itebagatseng le go thibela/ go emisa kgokgontsho ya bana. Mo lonaneneong le, go dirisiwa ditshwantsho tse di kgatlhang bana, kgotsa “dipopae”, le dipina .
Go dirilwe jalo go tlhofofatsa go anamisa molaetsa wa thibelo kgokgontsho ya bana, gore le bone batle ba tlhaloganye.
 

Maduo/ ditlamorago tsa kgokgontsho ya bana mo ngwaneng yoo amegileng le mo setshabeng di dikgolo, jalo thuto ke yone fela e ka thibelang/ femang, le go thusa baba amegileng..

Ke tlhomamisa gore lenaneo le, le nale maduo, ka le setswe le lekeleditswe/ go rutilwe bana baka tshwara dikete dile makgolo a mararo le masome a matlhano, ko Amerika (USA). Jalo, go tsibogela go ruta bana ka go tlhokomela mebele ya bone go ka tlisa maduo a a, amogelesegang.

Molemo wa lenaneo le ke gore, le dirilwe ka tsela ee bulegileng, go tlhofofatsa puisano ka dikgang tsa kgokgontsho le bana, le gore mongwe le mongwe yoo nang le keletso ya go ruta bana ka kgang e, e ka nna: morutabana, mma boipelego, motsadi, kana ope fela moitlhaopi a kgone go dira jalo.

O buisana jang le bana ka dikgang tsa kgokgontsho

Batsadi ka bontsi, ga ba rate go bua ka dikgang tsa kgokgontsho le bana. Jalo dipina tsedi kgatlhisang tse, di tla fa batho sabaka sa go ruta le go tsalana le bana.

 

Goreng Dipina/ Mmino?


Mmino ke tsela ee kgethegileng ebile e siame thata go ruta bana, ka gago motlhofo ba ka lebala molaetsa. Ke dumela gore le gompieno bagolo ba santse ba ka gakologelwa dipina tse baneng ba diopela mo bonnyenyaneng jwa bone. E bile thuto e e tla nna mosola le mo bokamosong jwa bone.

 

Tshekatsheko ee dirilweng, e akaretsa bana, ebile e dirwa ka mmino, ka go supagetse, fa mmino o na le seabe sese golo mogo rotloetseng kafa motho/ngwana a itebang ka teng,le go tsholetsa serite sa gagwe.


*The Power Of Music – University of London
 


 “Lenaneo Le, Le Dirisiwa Jang”?

Dira gore lo kgathise – 

Dipina tse, di monate ebile dia kgatlhisa, ka go dirisitswe ditshwantsho “dipopae”, ka ketelopele ya motshameki wa leina la “CYNTHIE”.
“O tshwanetse wa opela, wa bina le Cynthie gore, bana ba utlwe mafoko le molaetsa gore ba seka ba lebala.”​

Dira gore go nne motlhofo –

Gago botlhokwa go ruta bana, phetelela ka kgokgontsho, ba rute 
ka go balekanyetsa.

Ba tshwanetse goitse gore/ melawana:

 

1. Gagoope yoo tshwanetseng go go tlhokofatsa.
2. Gagoope yoo tshwanetseng go tshwara dikarolo tsa gago tsa bong.
3. Gagoope yoo tshwanetseng go tsaa ditshwantsho/ 
dinepe tsa dikarolo tsa gago tsa bong.
4. Ga ona le mathata, bolelela mogolo yoo moratang.
5. O seka wa didimala fa gona le mongwe yoo tshwarang 
dikarolo tsa gago tsa bong.
6. Bolelela mongwe ga o kgokgontshwa ke bangwe.



Dira Gore Go Nne Le Boleng/ Mosola  –

Moono/ kgang kgolo ke gore bana ba ithatate, le gore ba ikutlwele ba babasegile go bua, fa bana le bothata.

Go ka nna molemo gore, morago ga thuto nngwe le nngwe bana ba, tshwantshe se ba se tlhalogantseng, ba bue, kgotsa ba kwale ka sepe se sesa ba jeseng monate.

Ntlha ya botlhokwa ke gore, dira gore bana ba bine, ba opele. Mo go ka dira gore ba gololesege ebile batsee karolo.

Translations : Oageletse Bansan Keatholetswe (Ambassador for Botswana)

Written and Animated by: Chrissy Sykes © 2019

Hearts

The Songs

Song 1

1. Pina Ya Ntlha - Mmele Wame Ke Wame

"

MAFOKO A GA CYNTHIE GOTSWA MO SETSWHANTSHONG SA MOTSHIKINYEGO Dumelang, ke bidiwa Cynthie, tsatsi jeno re tsile go dira lenaneo la Mmele wame ke wame,jalo re a go opela dipina, re ithute ka go ipabalela ,go tlaa nna monate! Mmele ya rona, e botlhokwa thata, ebile gago ope yoo tshwanetseng a re lematsa ka tseela epe fela , kgotsa are tshwara tshwara dikarolo tsa bong, ka gore re batho baba kgethegileng thata. Re a go bina pina ya ntlha jaanong,are opeleng mmogo. Pina e e bidiwa:

"

Song 2

2. Pina Ya Bobedi - Ga O Utlwa Gose Molemo, O Seka Wa Dira

"

Mafoko A Ga Cynthie Gotswa Mo Setswhantshong Sa Motshikinyego Rea go itumela thata ga re bina pina ee latelang, E na le molawana o, mogolo thata o o tshwanetseng wa o gakologelwa. Molawana o, ke gore gago utlwala gose molemo o seka wa dira.. Gake bue ka dilo tse di tshwanang le go dira tiro ya sekolo,kana go phepafatsa ntlo ya gago ya borobalo. Ke bua fa mongwe a leka go go patika gore le e,golo gongwe, mme o itse gore ga go a siama. Gago utlwala gose molemo, o seka wa dira!!

"

Song 3

3. Pina Ya Boraro Motshameko Wa Ga Ekabo

"

Mafoko A Ga Cynthie Gotswa Mo Setswhantshong Sa Motshikinyego Jaanong rea go tshameka “motshameko wa , Ga e kabo”. 
 Mo pineng e rea go ithuta gore re ka dira jang fa motho yoo sa moitseng 
 a leka gogo ngoka gore o tsamae le ene,
 kana a leke gogo tshwara tshwara dikarolo tsa bong. A o itse ko dikarolo tsa gago tsa bong ko dileng teng? 
Di bipilwe ke diaparo tsa gago tsa mo teng. 
 Ga goope yoo tshwanentseng go tshwara dikarolo tsa bong, 
kontle ga o sale mmotlana,jalo mme kana rre o tshwanetse gogo tlhapisa teng,
 mme o tla ithuta ga o ntse o gola. Kana ga o lwala, mooki,
 mme kgotsa rre baka go tshwara teng ba gofa molemo, gago tshwanetse. Ko ntle ga seo,gagoope yoo tshwanetseng gogo tshwara dikarolo tsa bong. Rea go ithuta gore, re ka dira jang ga motho mo lapeng ,
 kana losika a ka leka gogo lematsa. 
Se o tshwanetseng go se dira gare opela ke go goela ko godimo ore “NNYAA”,……….
 Rea go tshameka motshameko wa ga e kabo,o nale le dipotso le dikarabo. 
 Gore o nne mofenyi mo motshamekong o , o tshwanetse go re “Nnyaa fela”

"

Song 4

4. Pina Ya Bone - Ga ona le bothata

"

Mafoko A Ga Cynthie Gotswa Mo Setswhantshong Sa Motshikinyego Go botlhokwa thata go bolela, fa gona le mongwe yo a go lematsang, kana a tshwara dikarolo tsa gago tsa bong. Lefa o ka ikutlwa o tshaba kana o boifa, o tshwanetse go le ka thata go bolela. Go na le batho bale bantsi ba o kaba bolelelang jaaka: mme, rre, nkuku, ntatemogolo, mmangwane, malome, morutabana, ntsala, moagisane, batsadi ba tsala ya gago, mapodisi, baoki le babangwe. Jaanong ga o bolela mme go sena ope yoo go dumelang, kana ba go raa bare e nne sephiri, o bo o leka go bolelela yo mongwe mme ba ntse bas a go dumele, tswelela fela o bolela go fitlhele mongwe a reetsa. O seka w aba wa ineela!

"

Song 5

5. Pina Ya Botlhano Lorato le Bonolo

"

Mafoko A Ga Cynthie Gotswa Mo Setswhantshong Sa Motshikinyego A re bue ka lorato,go botlhokwa thata go ratiwa, mme jalo batho ga ba supe lorato ka gogo lematsa, kana ka go dira sepe se sesa go itumediseng.Batho ba supa gore baa go rata ka go dira dilo tsedi tshwanang go go badisa dibuka, go tshameka le wena, go itumela le wena, go tsaa maeto le wena , kana go go ruta go tsamaisa baesekele. Lorato ke go kgathala le go neelana. Batsadi ba rona kana batlhokomedi ba rona, ba tlhomamisa gore rea tlhokomelesega. Ba refa dijo, ba goba meno a rona,gape ba tlhomamise gore re apere diaparo tsedi phepa. Ga re lwala ba re isa kokelong. Go botlhokwa gore re tlhokomelwe, gore retle re gole sentle,re itumetse ebile re itekanetse.

"

cropped-cropped-Hearts.png

Signs of Child Abuse

DIKAI TSA KGOKGONTSHO YA BANA

Tsedi latelang ke dikai tse di ka go tsibosang gore ngwana o a kgokgontshwa kana o a itlhokomolosiwa. Ga oka lemoga dikai tse, kgotsa ngwana ago bolelela gore o a kgokgontshwa.

1. O seka wa potakela go tsaa tshwetso, ebile o seka wa pateletsa, ngwana gogo bolelela sese mo tshwenyang, ga ele gore ga aa gololesega.
2. Gomotsa ngwana, kgotsa leka go mo sidila maikutlo, mme morago o mmolelele fa a dirile sentle ka go bua, obo o motshepise gore o tla bona thuso. Mme o itsise baba tshwanetseng.
3. Elatlhoko gore ngwana aka nna a bua ka bonya ka bonya, gotswa mo goreng o mo tsaya jang.

Tsedi la telang e kanna, dingwe tsa dikai tsa kgokgontsho ya bana, di ka nna mmalwa.
Elatlhoko diphetogo tsa kafa ngwana a itshwarang ka teng.

DIKAI TSA KGOKGONTSHO YA MMELE

TEBEGO YA NGWANA
*Go ruruga mmele, go shâ, kana go fapoga ga dikarolo dingwe tsa mmele.
*Malomo.
*Go gobala ga kgapetsa kgapetsa, mo go nnang go tlhalosiwa fa ele dikotsi.
*Fa tlhaloso ee buiwang ka kgobalo, e sa nyalane le kgobalo.
*Ngwana o nna a aparetse diaparo tse di tona, kgotsa tse dintsi go bipa dikgobalo.

BOITSHOLO JA NGWANA
*Ngwana yoo thata go tlwaelesega.
*Ngwana yoo itlhaolang mogo ba bangwe, gape ale ditlhong.
*Ngwana yoo nnang a thobaetse kgotsa a eta mogopolo.
*Ngwana yoo tshabang batsadi thata.
*Ngwana yoo sa tshwenyegeng gaa kgaogane le batsadi.

DIKAI TSA GO TLHOKA TLHOKOMELO

TEBEGO YA NGWANA
*Tebego e e leswe,moriri o sa kamiweng le monko.
*Diaparo tse di sa siamelang, seemo sa bosa sa letsatsi leo.
*Ngwana yoo lebegang a tlhoka ba bongaka le meno a a leswe.

 BOITSHOLO JA NGWANA
*Ngwana yoo lapetseng ruri, a sena nonofo.
*Ngwana yoo kopang thata, kana a utswa dijo.
*Ngwana yoo nnang a tlolwa ke dithuto kana a nna ale thari nako tsotlhe ko sekolong.
*Bodipa kgotsa Boitsholo jo bo makgwakgwa.
*Go inyenyafatsa kgotsa go ipona ale ko tlase.

DIKAI TSA KGOKGONTSHO YA MAIKUTLO

TEBEGO YA NGWANA
*Boitsholo ke sekai se se tona se o ka lemogang kgokgontsho mo baneng:
*Ngwana yoo itlhaolang kgotsa a sa tlhole a tshameka le ba bangwe.
*Ngwana yoo nnang a tlolwa ke dithuto kana a nna ale thari nako tsotlhe ko sekolong.
*Bodipa kgotsa Boitsholo jo bo makgwakgwa.
*Go innenyafatsa kgotsa go ipona ale ko tlase.
*Maduo a dithuto a fetoga kgotsa a wela ko tlase.

DIKAI TSA KGOKGONTSHO YA THOBALO/YA DIKAROLO TSA BONG

DITEBEGO TSA NGWANA
*Diaparo tse di makgasa tsa moteng kgotsa, dina le mabadi a madi.
*Botlhoko le go baba ga dikarolo tsa bong.
*Go nna le malwetse a tlhakanelo dikobo.

BOITSHOLO JA NGWANA
*Ngwana yoo nang le kitso ee feteletseng ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo.
*Ngwana yoo tshwarang tshwarang bana ba bangwe mo dikarolong tsa bong.
*Gofetoga, kgotsa mokgwa oo sa twaelesegang.
*Ngwana yoo senang le bothata go tshwarwa ka tsela epe fela.

Ga o belaela gore gona le kgokgontsho ee dragalang mo ngwaneng, kopa thuso ko go baba lebaganeng le dikgang tsa kgokgontsho, gore batle ba dire dipatlisiso mme, batsee ditshwetso tsedi maleba, fa ele gore ngwana o mo kotsing.
ARE BA BA LELENG BANA!!

MBIMB General 1

Dipotso Tse Di Atleng Di Botswe Ke Bana

Potso: KE ENG BATHO BA GOBATSA BANA?
Karabo: Batho bangwe bane ba kgokgontshiwa ba sale bana, jalo ba fitlhelwe le bone e nna bakgokgontshi.-Ba bangwe bana le bothata jwa nno tagi phetelela, diritibatsi le kutlobothoko e ntsi, ke tsone dingwe tsa dilo tse dika bakang gore ba kgokgontshe bana. Itse gore go bosula go lematsa bana ka tsela epe fela, jalo o tshwanetse wa bolela ga o lemadiwa gore otle o bone thuso.

Potso: KE ENG BATHO BA PHORA PHORA BANA?
Karabo: Karabo e katswa e ntse ele gore batho ba, ba kile ba lemadiwa bale ba botlana, gonne bontsi ba dithithomiso di supa jalo, ke ka moo ba lematsang bana. Jalo ba tlhoka thuso le bone gore batle ba fiwe kalafi ee tshwanetseng, gore ba emise go lematsa bana.

Potso: KE DIRA JANG FA GO SENA OPE YOO NTUMELANG?

Karabo: Ga go sena ope yoo go dumelang, se ineele, tswelela o bua go fitlhela mongwe a kgathala a go reetsa.


Potso: GO TLAA DIRAGALA ENG, MORAGO GA KE BOLELA?


Karabo: Bagolo ba tlaa itsese ba molao gore, o a lemadiwa. Morago ba buisane mme, ba tsee tshwetso ya gore o nne ko o babalesegileng teng.

Potso: KE DIRE JANG FA KE KARE NNYAA!!MME BA BO BA SA EMISE?
Karabo:  ​Goa/kua thata gore mongwe a utlwe a go thuse, fa ele gore ga ore Nnyaa, ba tswelela fela. Kana o tlaa bolelela mongwe ga o setse o bona o babalesegile.

Potso: KE DIRE JANG GA BA KARE BA TLAA NKGOBATSA KANA BA GOBATSA OPE WA BA LWAPA LAME GA NKA BOLELA?
Karabo:  Bakgokgontshi ga ba rate go buiwa ka se ba se dirang, jalo baka go tshosetsa gore o seka wa bua. O tshwanetse wa nna pelokgale, o seka wa tshaba go bua.

Potso: KE DIRA JANG, GA ELE GORE KE KGOKGONTSHIWA KE NKGONNE?
Karabo: Bolelela batsadi, kgotsa mongwe yo mogolwane yoo motshepang fa ele gore batsadi ga ba dumele, kgotsa ga ba reetse.

Potso: A BA TLAA TENEGA GAKE BOLELA?
Karabo:  Ba ka nna ba tenega, mme lefa gontse jalo o tshwanetse wa bolela gore mokgokgontshi atle a emise.


Translate Our Website »